CMN
Badumedi

KE ENG BADUMEDI BA A RAPELA, BA SA AMOGELE?

Ekete badumedi ba rapela fela mme ba sa amogele se ba se kopang thapelong? A Modimo o utlwa dithapelo tsa badumedi? Go thusang go rapela?

Modimo ke Rrarona! O re utlwa. Kgang e kgolo ke gore Jesu o re rutile go fetsa dithapelo tsa rona ka mafoko a a reng : "Thato ya gago a e dirafale!"  (Matheo 6:10.).
Re buise gore fa Jesu le ene a le mo tlalelong e kgolo, a rapela a re: "Rara,  fa o rata, tlosa senwelo se mo go nna; fela a go se dirafale thato ya me, mme go dirafale ya gago." (Luka 22:43). Thapelong re kopa Modimo go dirafatsa thato ya gagwe eseng ya rona!

Modimo o re utlwa, mme Modimo, Rarona o itse gore karabo efe ya thapelo e siame  go rona! Jaaka rrangwana o tla neela ngwanagwe dilo tse di siame lefa e le gore  motlha mongwe ngwana o sa utlwisise.

Thapelo e na le maatla tota botshelong jwa mokeresete. Fela o tshwanetse go rapela ka tsela e e tshwanetseng. Go se nneng jalo Modimo ga o kitla o araba dithapelo  tsa gago. Mo go Jakobo kgaolo 4 temana 3 re buise" "Loa rapela, mme ga lo amogele sepe, ka gonne le rapela ka mokgwa o o bosula, gore lo tle lo senye  dilo ka bofafalele mo dikgatlhegong tsa lona."

Lokwalong lwa Bafilipi kgaolo 4 temana 6 le 7 re buisa: "Se tswenyegeleng  sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo,  di na le tebogo. Mme kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla boloka  dipelo tsa lona le maikutlo a lona mo go Keresete Jesu"
Lefa e le gore re amogela kgotsa re sa amogele se re se kopang, fa re na le kopano le Modimo thapelong re tla bona botshelo le kgotso! Go jalo ka lebaka la gore  re itse Modimo o tla re neela dilo tse re di tshwanetseng.