CMN
Beibele

BEIBELE E KWADILWE KE MANG TOTATOTA?

A Beibele e kwadilwe ke Modimo gongwe ke batho fela? Fa e kwadilwe
ke Modimo, Modimo o e kwadile jang? Beibeleng re bona tshupo e e supang gore Beibele  ke Lefoko la Modimo. Tshupo ya rona ya re Modimo o kwadile Beibele mme go e kwala dipuong tsa batho o ne a dirisa batho ba gagwe .

Lokwalong lwa 2 Timotheo kgaolo 3 temana 16 re buisa: "Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo lo molemo go ruta le go kgalemela  le go sokolola le go godisa mo tshiamong"
Re itse gore Beibele e kwadilwe ka Modimo ka lebaka la gore Beibele e na le mafoko a a tshelang! Lokwalo lwa Bahebere kgaolo 4 temana 12 re buisa: "Gonne Lefoko  la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta ta.haka nngwe le nngwe e e  magale mabedi; le a pholela, le be le kgaoganye botshelo le mowa le malokolo le  maikutlo a pelo".
Badumedi ba ba dumelang ba supa gore Lefoko la Modimo le a tshela.
Ba tshedisiwa ke Lefoko la Modimo.

Ba ba kwadileng Lefoko la Modimo ba ne ba itse go kwala eng?
Ba kwala tse ba di bonang le tse ba di utlwang ka Modimo le Jesu.
Tshimologang ya Lokwalo lwa gagwe Luka o rile: "Le nna, ya re ke sena go tlhotlhomisa tsotlhe ka botlalo go tswa tshimologong, ka gopola gore go ka nna molemo go di go kwalela ka thulaganyo..(Luka 1:1).
Lokwalong lwa Johane kgaolo 21 temana 24 re buisa kaga Johane:
"Morutwa yoo ke ene yo o supang ka dilo tseo, o bile o di kwadile; mme re  itse gore tshupo ya gagwe ke boammaaruri."

Ke eng bantsi ba sa dumele gore Beibele ke Lefoko la Modimo?
Lefoko la Modimo le re neela karabo lokwalong lwa Baroma kgaolo 1 temana 16: "Gonne ga ke tlhajwe ditlhong ka Efangele ya ga Keresete, ka e le thata ya Modimo e e pholosang mongwe le mongwe yo o dumelang". Mafoko a Modimo, yo eleng Beibele  ke mafoko a a tshedisang badumedi! Mafoko a batho ga a kgone go tshedisa motho!

Gape re itse gore Beibele ke Mafoko a Modimo ka dilo tse di boletsweng tshimologong mo Kgolaganong e Kgologolo di dirafaletse tiragalong ya Kgolaganong e Nta.hwa. Se se boletsweng Jesaya 9 temana 6 se dirafaletse Matheo 2 temana 14.