CMN
Jesu

A JESU O NE A NNA O MOSHWEU KGOTSA O  MONTSHO?

Botsalo jwa ga Jesu bo goeletswa ke Moengele wa Modimo ka mafoko a a reng: " Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe; ka gonne gompieno lo tsaletswe Mogolodi ..." (Luka 2:10-11).
Jesu o tsaletswe ba botlhe! Jesu o ne a bidiwa Morwa Modimo! (Matheo 16:16). Ga  a bidiwe morwa wa losika lwa batho!

Lokwalo lwa Jesaya kgaolo 9 temana 6 re buisa polellopele kaga botsalo jwa ga  Jesu: "Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa Mogokalodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya dikgosi". Gape Jesu o ipitse Morwa-Motho. "Morwa-Motho ene ga a na fa a ka latsang tlhogo teng". (Matheo 8:20).

Ka tirelo ya gagwe Jesu o diretse batho botlhe! Lokwalong lwa Johane kgaolo 3  temana 16 re buisa gore Jesu o tsile go boloka batho ba botlhe: "Gonne Modimo  o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ke a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng"!

Kaga losika lwa gagwe Jesu o rile: "Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong, ke ene nnake le kgaitsadiake le mme" (Matheo  12:50). Mogaetsho yo o rategang, nna le wena re ba losika lwa Jesu fa re le badumedi tota!