CMN
Mafoko

MAFOKO A A TSHEDISANG

O KA NNA MOTHO YO O ITUMETSENG!

Batho ba le bantsi ba gompieno ba sena boitumelo! Ba senyegilwe moweng. Go na  le dilo di le dintsi tse di senyang matshelo a batho! Bangwe ba bona boitumelo ka nakonyana fela! Batho ba botlhe ba ipatlele boitumelo le kgotso!

Bangwe ba gopola gore ba tla bona boitumelo fa ba ka ipatlele khumo le matlotlo. Re buisa lokwalong lwa Luka 12 temana 21 Jesu o rile : " Yo o iphuthelang  matlotlo, mme a sa huma ka fa Modimong, o lesilo."
Lekwalong lwa Matheo kgaolo 6 temana 20 Jesu o rile: "Iphutheleng mahumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng, le fa e le marale, le kwa magodu a sa phunyeng go utswa teng."
Motho yo o humileng ka mahumo a legodimo o ka itumele tota!

Batho ba botlhe ba ka iphuthele mahumo kwa legodimong ka go dumela Moroneng le go mo direla! Mogaetsho yo o rategang fa o rata go nna Mokresete wa a itumetseng,  fa o tshela le fa o swa, o tshwanetse go nnetefatsa pele gore o Mokereste wa nnete.
Re a go laletsa go kopana le rona mabapi le kgang e fa o rata go tlatsa mafoko a rona gongwe fa o sa ntse o na le potso!