CMN
Pholoso

PHOLOSO KE ENG?

Batho ba botlhe ba ithwaletswe le go tsalelwa mo boleong le madimabe!
Re buisa Lefokong la Modimo lokwalong lwa Baromo 3 temana 10: "Ga go ope yo o siameng, le e seng a le mongwe fela." Boleo ba tswa kae? Re buisa Baroma kgaolo 5 temana 12: "Ka moo he, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a  le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso lwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe" Ke ka moo ba botlhe ba tlhoka pholoso ya boleo!

Mme ka lerato la Modimo o dirile tsela ya pholoso go pholosa batho boleong. Re buisa Johane kgaolo 3 temana 16: "Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ke a latlhega, mme a nna le bophelo jo bo sa khutleng"
Pholoso ke go bolokwa ke Jesu! Jesu o re swetse sefapanong go nna setlhabelo sa  rona!

Gape re pholoswa ka tumela mo Moroneng Jesu Keresete! Ke go ipolela dibe tsa me  le go dumela gore Jesu o nthswarele dibe tsa me tse tsotlhe!
"Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng  Morwa ga a ka a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame." (Johane  3:16).

Beibeleng re buisa kaga buka ya magodimo. Yo o pholositsweng o kwadilwe bukeng ya magodimo. Jesu o rile go bao ba ba dumelang go ene, "itumeleng, ka maina  a lona a kwadilwe kwa magodimong." (Luka 10:20). Re ka re pholoso ke go kwalwa bukeng ya Modimo.

Ba ba pholositsweng ba tla nna bafenyi bofelong. Re buisa lokwalong lwa Tshenolo kgaolo 3 temana 5: "Yo o fenyang o tla apesiwa jalo diaparo tse ditshweu;  ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo bukeng ya bophelo; mme ke tla ipolela leina  la gagwe fa pele ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe."