CMN
Re_Ka

RE KA ITHUTA LEFOKO LA MODIMO KA TSELA  EFE?

 Go gola ngwana o tlhokega dijo! Go gola tseleng ya Modimo re tlhokega dijo  tse semoya! Beibele e leng Mafoko a Modimo, ke dijo tse re di tlhokwang go gola!
Lekwalong la Dipesalome 119 temana ya 105 re buisa gore Davida o rile:
"Lefoko la gago ke lebone lwa dinao tsa me, ke lesedi la tsela ya me"
Go tlhokega gore re tla loga maano go ithuta Beibele! Ikgethela nako e e siamang go wena! Itshokela go reetsa se Modimo o se rayang Mafokong a gagwe.
Gape o ikgethela tsela e e batlegang go utlwa se Modimo e se bolelang!
Go na le dibukana le dithuto tsa Beibele mo dikerekeng tse dingwe le mo dibenkeleng  tse dingwe!
Gape o ithuta ditemana tse dingwe tsa Beibele tlhogong ya gago! Mo tseleng gongwe mo merekong Lefoko la modimo le tla nna kgopolong ya gagwe! Lefoko la Modimo le  a tshela, le a tshedisa!
Fa o buisa ditemana tse di bothata, mme o palwa go di tlhaloganya o di tlogela.
Lekwalong la 2 Timotheo 3 remana 16 le 17 re buisa:
"Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo lo molemo  go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo tshiamong, gore motho wa  Modimo a nne boitekanelo, e nne yo o etleetsegetseng tiro engwe le engwe e e siameng  ka botlalo"

Fa o na le potso mabapi le Beibele o re kwalela go botsa!