CMN
Dikwalo

"DIKWALO TSA BABUISI"

Mme Agnes Molefe 0 kwadile.

Ke rata Letlapa la Tswana. Ke solofela gore le tla tswelela pele.
Se ke se ratang go se botsa ke gore lona ba kwalang Letlapa le, le tsena Kereke  efe? Le leka go direla Kereke efe?
Gape ke botsa gore a motho o na le go duela go botsa kgotsa go kwalela Letlapa la Tshwana?
Sa bofelo ke kopa gore maikailelo a lona ke afe? Se le batlang go se bona ke eng tota?

Karabo
Mme Molefe re a go lebogela lekwalo la gago le dipotso tsa gago. Ga re direle  Kereke e le engwe fela. Re biditswe go mo direla Modimo. Re rata go bolella batho  Beibele le go araba dipotso tsa batho mabapi le dikgang tse di farologanyang.  Babuisi ba sa duele sepe. Maikailello a rona ke go direla ka Tshwana Letlapeng le.
Gape re tla itumela go thusiwa ke babuisi. A re thusaneng.
Mme Molefe kagiso e be le wena.


--------------------------------

KE KA TLHOMAMISA JANG GORE KE BOLOKEGILE?

Morena Alfred Motaung o botsa gore: "Ke ka tlhomamisa jang gore ke bolokegile?

Rre Motaung Modimo o rata gore re tlhomamise fa re itshwaretswe maleo a rona.  O rata gore kamano ya rona le Ona e nne e siame. Go ka nna jalo gonne Jesu o re  swetse mo sefapaanong (BaEfese 1:7; Jesaya 53:5-6). Beibele e re: "... lo  itsi� gore lo na le bophelo jo bo sa khutleng" (1 Johane 5:13).

Fa o no o ise o ikanye Morena Jesu ka botlalo o ka nna oa dira jalo jaanong  jaana. Go na le thapelo fa tlase eo o ka e rapelang. Tlaa jaaka o ntse! Morena  o solofetsa mo go Johane 6:37 a re: "yo o tlang go nna, ga nkake ka mo kgarameletsa ntle." O tlaa go itshwarela maleo otlhe fa o mo ikanya, Ene fela (Ditiro  10:43).

Rre Motaung fa re sa belaela, lefa re ne ra ineela Ene, re ka dira tse di latelang:

1. Ikanya ditsholofetso tsa Modimo e seng maikutlo a gago. Modimo o go raya  o re: fa re ipobola maleo a rona, ona o boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo le go re itshekisa tshiamololo yotlh (1 Johane 1:9). O tshwanetse go mo dumela  le go amogela tseo. Ke e le ngwe fela ya ditsholofetso tsa ona jaaka Johane 1:12; Johane 3:16; Johane 6:37 le tse dingwe. Re se ka ra ikutlwa gore re bolokegile,  re bolokegile gonne Jesu o rialo. Akanya kaga ditsholofetso o be o di amogele.  Fa o neetse Morena pelo ya gago se dumele Diabolo fa a re Modimo ga oa ka wa go amogela. Buisa Johane 8:44.

2. Ipobola polokego ya gago fa pele ga batho ba bangwe. Ba bolelele o re Jesu  o go bolokile le gore o mo tseleng e nt�ha jaanong. Jaanong, buisa Baroma  10:9 ka kelotlhoko thata. Morutuwa wa ga Jesu ka bosaitseweng ke morutuwa yo o bokoa.

3. Gakologelwa gore ke tiro ya Mowa o o Boitshepo go go tlhomamisetsa mo pelong  gore o modumedi wa nnete. (Thala tlase mo Beibeleng ya gago Baroma 8:15-16 le  2 Bakorinthe 1:22).

 Buisa ka go buela godimo mafoko a ga Paulo mo go 2 Timotheo 1:12. Dira jalo gona jaanong.