CMN
Kereke

A KEREKE E NA LE TLHOTLHWA?

Dikereke di le dintsi. A totatota  kereke e na le tlhotlhwa? Go araba potso e re na le go botsa gore: "Kereke  ke eng tota"? A go tlhokega gore motho o tsena kereke?

Kereke ya bonnete ke kopano ya badumedi ba ba kopanang le Modimo Rara le Morwa  le Mowa. Jesu o rile, "gonne kwa ba le babedi gongwe ba le bararo ba phuthegetseng  teng mo leineng la me, foo ke teng mo gare ga bone." (Matheo 18:20).

Kereke ya bonnete e abela selallo sa Morena, e kolobetsa , e ruta batha tsela  ya Modimo le Lefoko la Modimo, e ruta batho go rapela, e fitlha ba ba tlhokafetseng,  e rapella balwetsi le batlhoki, e gomotsa batho, e utlwela botlhoko mo go ba ba  tlhokang, e bolella batho pholoso ya Morena, e rathabolola Lefoko la Modimo. Ga  go na sengwe se se fetang kereke ya Modimo ka tlholthwa! Motho yo o tshelang kwa  ntle ga tirelo le kobamelo ya Modimo kerekeng ke motho yo o tlhokang boitumelo  le kgotso ya Modimo!

Ka ka ntlh ya eng go na le mathata, kgotlhang le makoa mo dikerekeng?
Kereke e rulagangwa ke batho! Ke gone go ka nna bokoa thulaganyong ya dikereke!  Gape Jesu o rile gore "mo go lona go tla nna baruti ba mmaka ba ba tla sukunyetsang dithuto tse di senyang" (2 Petero 2:1) Gape o rile "go tla tsoga bokeresete ba maaka le baporofeti ba maaka; ba tla dira ditshupo le dikgakgamatso" (Mareka 13:22)
Ka lebaka leo Jesu o rile tlhokomelang! Tlhokomelang go direla Modimo ka bonnete!